KHOLETŠHE YA BOSIAMISI
LETSHWAO LA KHOLETŠHE
NOMORO YA 50A
Kholetšhe ya Bosiamisi, Kgetsi ya Poraefete X659, Pretoria, 0001, Aforika Borwa
Mogala 012 334 7700 Nomoro ya Fekese 012 326 4288
LETLHA : MORANANG 2003
KGATISO : 2004
Ga gona karolo epe ya lekwalo leno e e tshwanetseng go ntsifadiwa gongwe go fetisiwa ka mokgwa mongwe le mongwe fela gongwe ka tsela nngwe fela ntle le go bona tetla e e tlhokegang e kwadilwe.
TSHUPANE
DITENG TSEBE
MATSENO
DINTLHA TSA MOTHEO
Bosupi
Dintlha tsa Bosupi
Ntlhakemo
Dintlha tsa Morero
Dintlha tse di maleba mo dintlheng tsa morero
Bosupi jwa Ntlha
Bosupi jwa Bobedi
Bosupi jwa Makgaolakgang
Bosupi jwa Mabaka
Bosupi jwa Tlhamalalo
Kamogelesego
Bomaleba
Tshiamelo
Ditumelo tse di Tlwaelegileng le tse di sa Tlwaelegang
Boipobolo
Kitsiso ya Bosiamisi
Megopolo
Mokgweleo wa go Supa le Mokgweleo wa Bosupi
DINTLHA TSA MOTHEO TSA MOLAO WA BOSUPI
MATSENO
Molao wa Bosupi ke sediriswa sa botlhokwa go gaisa se se ka dirisiwang ke mongwe le mongwe yo o eletsang go dira ka molao. Gore motho a kgone go dirisa sediriswa seno ka tshwanelo le ka bokgoni, go botlhokwa gore a bo a tlhaloganya dintlha dingwe tsa motheo tse gantsi di dirisiwang ke bakwadi mo diphasalatsong tse di farologaneng tse di ka ga Molao wa Bosupi.
Maitlhomo a lekwalo leno ke go baakanya le go tlamela batho ka bokgoni jwa go kgona go supa le go tlhaloganya dintlha tsa motheo tsa Molao wa Bosupi le go ba tlamela ka motheo o o tla ba kgontshang go tlhaloganya Molao wa bosupi ka botlalo.
DINTLHA TSA MOTHEO
Bosupi
Bosupi bo dirwa ke tshedimosetso e e tlhagisitsweng fa pele ga kgotlatshekelo go kgontsha kgotlatshekelo go swetsa ka dintlha tsa morero.
Dintlha tsa Bosupi
Fa go buiwa ka dintlha tsa bosupi go buiwa ka dintlha tsotlhe tse di ka dirisiwang jaaka bosupi mo kgotlatshekelo.
Molao wa Bosupi tota o ka ga go netefatsa dintlha mme o laola mokgwa o dintlha di tshwanetseng go netefadiwa ka gona. Dintlha di ka netefadiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya dintlha tsa bosupi.
Dintlha tsa bosupi e ka nna:
Bosupi jwa Molomo, jwa Dikwalo gongwe jwa Nnete
Tumelo e e Tlwaelegileng gongwe e e sa Tlwaelegang le Boipobolo
Kitsiso ya Boatlhodi
Megopolo e e ntseng e le gona
Setshwantsho se bontsha ka botlalo dikala tse di farologaneng tsa molao; se bontsha gore Molao wa Bosupi o wela ka fa tlase ga kala efe; tlhaloso ya Molao wa Bosupi le go supa gore Dintlha tsa Bosupi e ka nna eng.
MOLAO
Molao o o Tlhalosang Molao wa Tsamaiso
Molao wa Bosenyi Tsamaiso ya Bosenyi; Molao wa Bosupi
MOLAO WA BOSUPI
GO NETEFATSA DINTLHA KA
DINTLHA TSA BOSUPI
Bosupi Tumelo e e Tlwaelegileng Kitsiso ya Boatlhodi Megopolo e e Tumelo e e sa Tlwaelegang ntseng e le gona
Boipobolo
Ntlhakemo
Dintlhakemo tsa mmuso le lephata la molatofadiwa ga di tsewe jaaka bosupi mme boleng jwa tsona ke go susumetsa fela. Tsona tota ke megopolo gongwe ditshitshinyo tse maitlhomo a tsona e leng go gatelela ntlhakemo ya semolao gongwe seemo sa nnete mme di dirisediwa go tlhotlheletsa kgotlatshekelo go tsaya tshwetso e e rileng.
Pele ga go ka rebolwa katlholo, maphata a nna le tshono ya go tlhagisa dintlhakemo tsa bofelo tse di akaretsang bosupi jo bo tlhagisitsweng mo tsamaong ya tsheko.
Dintlha tsa Morero
Dintlha tsa morero ke dintlha tse lephata le tshwanetseng go di netefatsa gore le kgone go atlega mo kgetseng.
Dintlha tse di maleba mo dintlheng tsa morero
Dintlha tse gantsi di ka netefatsang dintlha tsa morero jaaka tsa nnete gongwe tse e seng tsa nnete.
Sekai: Mo kgetseng e mo go yona morero e leng gore rraagwe ngwana ke mang, ntlha ya morero e tla nna go supa rraagwe ngwana, mme go robalana le rraagwe ngwana e tla nna ntlha e e maleba mo nntlheng ya morero.
Bosupi jwa Ntlha
Ka bosupi jwa ntlha go kaiwa gore seno ke bosupi jo bo gaisang jo bo gona gongwe gore ga gona bosupi bope jo bongwe jo bo botoka (maatla).
Bosupi jwa Bobedi
Ka bosupi jwa bobedi go kaiwa gore go na le, gongwe go kile ga nna le bosupi jo bongwe jo bo botoka.
Sekai: Sekwalwa sa tshimologo se tsewa jaaka bosupi jwa ntlha fa dikhopi tsona e nna bosupi jwa bobedi.
Lefoko la prima facie ke sekapolelo se se kayang "ka ponagalo ya ntlha." Mo molaong sekapolelo sa prima facie se kaya fela gore bosupi jo bo fa pele ga kgotlatshekelo bo lekane go ka bona ntlha gongwe go simolola kgetse ntle le fa go ka supiwa ka tsela nngwe fa e se nnete.
Fa go sena bosupi bope jo bongwe jo bo ganetseng seo, bosupi jwa prima facie e tla nna bosupi jwa bofelo.
Bosupi jwa Makgaolakgang
Ka bosupi jwa bofelo go kaiwa bosupi jo e leng gore ke jwa makgaolakgang mme go ka se ke ga tlhola go nna le bosupi bope fela jo bo ka bo ganetsang gongwe bo ka supa fa e se nnete.
Bosupi jwa Mabaka
Bosupi jwa mabaka ke bosupi jo bo sa tlhamalalang.
Sekai: Mo tshekong ya polao, go ka nna le bosupi jwa gore A o ne a na le lebaka la go bolaya B mme o bonwe a siane go tswa kwa ntlong ya ga B mme a tshotse thipa e e tletseng madi.
X o naya bosupi jwa gore o utlwile go thubega galase, mme ya re a gadima a fitlhela Y a eme fa pele ga fensetere e e thubegileng ya ga Z a sa ntse a tshotse letlapa.
Bosupi jwa Tlhamalalo
Bosupi jwa tlhamalalo ke bosupi jwa se se bonweng ke mosupi yo o iponetseng ka matlho.
Sekai: Mo tshekong ya polao, C o naya bosupi jwa gore o ne a eme ka fa ntle ga fensetere ya ntlo ya ga B mme a bona A a tlhaba B.
Kamogelesego
Kamogelesego e kaya fela go amogelesega ga bosupi mme ga gona seemo sa kamogelesego. Bosupi bo ka amogelesega gongwe jwa seke jwa amogelesega. Gore a bosupi bo a amogelesega gongwe ga bo amogelesege go ikaegile fela mo go reng a bo maleba le gore a go bo amogela go tla gobelela molatofadiwa ka mokgwa mongwe.
Kamogelesego ka Peelomabaka
Go amogela bosupi fa fela e le gore lebaka lengwe le le beilweng le tla bo le kgotsofaditswe kwa bokhutlong jwa kgetse. Fa lebaka leo le sa kgotsofadiwa, bosupi joo bo a ikgatholosiwa.
Kgotlatshekelo e sweditse gore sekwalwa se ka dirisiwa mo dipotsolotsong le fa lephata le le neng le ganetsa le ne le ganetsa gore ga se sa boammaaruri. Fa mmuso o setse o konoseditse kgetse ya ona, ke gona lephata le le sireletsang molatofadiwa le ka tlhagisang bosupi jo bo malebana le boamaaruri jwa sekwalwa. Fa go sena bosupi jwa gore ke sa boammaaruri, kgotlatshekelo e tshwanetse go ikgatholosa bosupi bope fela jo bo tlhagileng go tswa mo potsolotsong.
Bomaleba
Gore kgotlatshekelo e swetse ka bomaleba, e tshwanetse go lebelela gore a bosupi jo bo tlhagisiwang bo amana le dintlha tsa morero.
Tshiamelo
Tshiamelo ke tshwanelo gongwe maikarabelo a a bonwang ke mosupi gongwe lephata lengwe go se tlhagise bosupi mo kgotlatshekelong. Go na le mefuta e megolo e le mebedi ya Ditshiamelo: Tshiamelo ya Poraefete le Tshiamelo ya Mmuso.
Ditumelo tse di Tlwaelegileng le tse di sa Tlwaelegang
Ditumelo tse di Tlwaelegileng
Ditumelo tse di tlwaelegileng ke ditumelo tse di dirilweng mo kgotlatshekelo tse di tsewang jaaka bosupi jwa bofelo mme di ka seke tsa ganediwa gongwe go gogelwa morago ntle le fela fa go ka kgotsofadiwa ditlhokego dingwe tsa molao.
Ditumelo tse di sa Tlwaelegang
Dikamogelo tse di sa tlwaelegang ke dikamogelo tse di dirilweng kwa ntle ga kgotlatshekelo, tse di ka tlhalosiwang gongwe go ganediwa.
Boipobolo
Boipobolo ke fa molatofadiwa a amogela gore o molato ntle le pelaelo epe, mme fa bo ka dirwa fa pele ga kgotlatshekelo, bo tla amogelwa jaaka Go ipona Molato.
Kitsiso ya Bosiamisi
Kitsiso ya bosiamisi e kaya fa kgotlatshekelo e amogela dintlha tsa kitsokakaretso le kitso ya selegae jaaka di supilwe mme di ise di ke di supiwe jaaka nnete ka dipotsolotso tsa bosupi.
Megopolo
Megopolo e e ntseng e le gona ke tshwetso e e tswang mo dintlheng tse di rileng tse di ikaegileng ka molao. Go na le mefuta e le meraro ya megopolo.
Mogopolo ka ga Ntlha
Mogopolo ka Molao
Mogopolo o o ka sekeng wa ganediwa wa Molao
Mokgweleo wa go Supa le Mokgweleo wa Bosupi
Mokgweleo wa go Supa
Mokgweleo wa go supa o kaya maikarabelo a lephata a go supa gore kgetse ya bona ke nnete kwa ntle ga pelaelo epe, mme mo molaong wa rona wa bosenyi, mokgweleo wa go supa o mo magetleng a bosekisi.
Mokgweleo wa Bosupi
Mokgweleo wa bosupi o kaya maikarabelo a lephata le lengwe a go tlhagisa bosupi jo bo lekaneng go kgontsha kgotlatshekelo go bitsa lephata le lengwe go tla go araba le go tlhagisa bosupi jo bo lekaneng go gwetlha kgetse ya prima facie e e dirilweng ke lephata le le ganetsang.
